John 5

Jesu o fodisa molwetse kwa Bethesaida

1Mme erile morago ga mo o Jesu a boela kwa Jerusalema ka ntlha ya letsatsi lengwe la malatsi a boikhutso a tumelo ya Sejuta. 2Mo mo-tseng, gaufi le kgoro ya dinku go ne go na le Lekadiba ja Betheseda le na le maobo a le matlhano. 3Bontsintsi jwa batho ba ba lwalang, ba ba tlho-tsang, ba ba foufetseng, kgotsa ba ba suleng mefama ba ne ba ntse mo maobong ba letetse go fetlhega ga metsi, 4gonne moengele wa Morena o ne a tle a tle go fetlha metsi, mme motho wa ntlha go tlolela mo teng o ne a fodisiwa.

5Mongwe wa banna ba ba neng ba namaletse gone foo, o ne a sa bolo go lwala mo dingwageng di le masome mararo le bofera bobedi.

6Erile fa Jesu a mmona ebile a itse lobaka lo a saleng a lwala ka lone a mmotsa a re, “A o batla go fola?”

7Mme monna yo o lwalang a re, “Ga ke kgone, ka gore ga ke na ope yo o ntsenyang mo lekadibeng ka nako ya phetlho ya metsi, e a re fa ke sa ntse ke leka go tlolela mo teng, mongwe a bo a nthaka.” 8Mme Jesu a mo raya a re, “Nanoga, phutha phate ya gago o ye gae!” 9Ka bonako monna a fola! A phutha phate a simolola go tsamaya! Mme go ne go le letsatsi la Sabata fa kgakgamatso e e diragala.

Mme baeteledipele ba Sejuta ba nna kgatlhanong le tiro eo.
10Ba raya monna yo o fodisitsweng ba re, “Ga o a tshwanela go dira ka letsatsi la Sabata! Ga go kafa molaong go tshola phate eo!” 11Mme ene a ba fetola a re, “Monna yo o mphodisitseng o rile ke e tsee.”

12Ba mmotsa ba re, “Yo o neng a bua selo se se ntseng jalo ke mang?”

13Monna yo o fodisitsweng a bo a sa itse gore ke mang, gonne Jesu o ne a nyeletse mo bontsintsing jwa batho. 14Mme erile kwa morago Jesu a mmona mo Tempeleng mme a mo raya a re, “Jaanong o fodile; o se ka wa tlhola o leofa gape, ka gore fa o ka leofa e ka re kgotsa wa diragalelwa ke se se bosula bogolo!”

15Mme monna yo o fodisitsweng a ya go senka baeteledipele ba Sejuta mme a ba bolelela gore o fodisitswe ke Jesu.

16Mme ba simolola go gagautlha Jesu ba mo raya ba re ke motlola melao ya Sabata.

17Mme Jesu a fetola a re, “Rre o tsweletse pele ka go dira tshiamo, mme le nna ke dira jaaka ene.”

18Mme baeteledipele ba Sejuta ba gakala thata ba batla go mmolaya gonne mo godimo ga go tlola melao ya Sabata, o ne a re Modimo ke rraagwe, ka go bua jalo a itekanya le Modimo.

19Mme Jesu a fetola a re, “Ga go na sepe se Morwa a ka se dirang ka boene. O dira fela se a bonang Rara a se dira, ka tsela e e tshwanang. 20Gonne Rara o rata Morwa, o mmolelela sengwe le sengwe se a se dirang; mme Morwa o tlaa dira dikgakgamatso tse dikgolo go feta phodiso ya monna yo! 21Ebile o tlaa tsosa mo baswing mongwe fela yo ene a batlang go mo tsosa, fela jaaka Rara a dira. 22Mme Rara o neetse Morwa katlholo yotlhe; ya sebe 23gore mongwe le mongwe a tle a tlotle Morwa, fela jaaka ba tlotla Rara. Mme fa lo gana go tlotla Morwa Modimo, yo o mo romileng kwa go lona, hong ga lo tlotle Rara gotlhelele.

24“Ke bua ke gatelela gore mongwe yo o reetsang molaetsa wa me a bo a dumela mo Modimong o o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a na go sekisiwa ka ntlha ya dibe tsa gagwe, gonne o setse a dule mo losong a tsenye mo botshelong. 25Mme ke bua ka tlhoafalo ke re, ‘Lobaka lo e tla, tota legale lo setse lo fitlhile, fa baswi ba tlaa utlwang lentswe la me, lentswe la Morwa Modimo, mme ba ba reetsang ba tlaa tshela.’ 26Rara ka esi o na le botshelo, jalo he o neetse Morwawe botshelo joo gore bo nne mo go ene ka esi, 27le go atlhola dibe tsa batho botlhe gonne ke Morwa Modimo. 28Se gakgamaleng! Ruri lobaka lo e tla lo baswi botlhe mo mabitleng a bone ba tlaa utlwang lentswe la Morwa Modimo, 29mme ba ba dirileng tshiamo ba tlaa tsoga gape go ya botshelong jo bo sa khutleng; mme ba ba neng ba tsweletse mo bosuleng, ba tlaa bo ba tsogela katlholong. 30Mme ga ke dire katlholo epe ke sa rerisa Rara. Ke atlhola jaaka ke laetswe. Mme katlholo ya me e siame ebile e tlhamaletse gonne e ka fa go rateng ga Modimo o o nthomileng, ga se ya me fela. 31Fa ke bua ka bo nna, ga ke dumelwe.

Boammaaruri ka ga Jesu

32
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 5:33.
33
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 5:32-33.
“Mme mongwe, ebong Johane wa Mokolobetsi, le ene o bua ka ga me. Lo ne lwa tswa lwa ya go reetsa thero ya gagwe, mme ke lo tlhomamisetsa gore mo a go buang ka ga me ke boammaaruri!
34Mme bosupi jwa boammaaruri jo ke nang nang najo, ga bo tswe mo mothong, lo gakolotswe ka bosupi jwa ga Johane gore lo tle lo dumele mo go nna lo bolokwe. 35Johane o ne a phatsima sentle ka lobakanyana, mme go ne ga lo solegela molemo lwa itumela, 36mme Nna ke na le mosupi yo mogolo go feta Johane. Ke raya dikgakgamatso tse ke di dirang; ke di neetswe ke Rara, mme di supa gore Rara o nthomile. 37Mme Rara le ene o supile ka ga me, le fa a sa lo itshupegetsa ka sebele, kgotsa a bua le lona lo lebaganye mo matlhong.

38“Mme ga lo mo reetse, gonne lo gana go ntumela, nna yo ke romilweng kwa go lona ka molaetsa wa Modimo. 39Lo phuruphutsa dikwalo tsa tumelo, gonne lo dumela gore di lo naya botshelo jo bo sa khutleng. Mme dikwalo di raya nna!

40“Mme ga lo tle kwa go nna gore ke lo neye botshelo jo jo bo sa khutleng! 41
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 5:42.
42
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 5:41-42.
Go rata kgotsa go sa rateng ga lona ga go reye sepe mo go nna gonne jaaka ke itse sentle, ga go na lorato lwa Modimo mo go lona.
43Ke a itse, gonne ke tsile kwa go lona ke emetse Rre mme lo gana go nkamogela, le fa go ntse jalo lo ipaakanyeditse go amogela ba ba sa rongwang ke ene, mme ba ikemetse ka bo bone! 44Ga go hakgametse fa lo sa dumele! Gonne lo tlotlana ka boitumelo, mme ga lo na sepe ka ga tlotlo e e tswang Modimong o o osi!

45“Mme ga se nna yo ke tlaa lo bayang molato ka ga selo se kwa go Rara; ke Moshe yo o tlaa dirang jalo! Moshe, yo mo melaong ya gagwe lo tlhomileng ditsholofelo tsa lona tsa legodimo.

46“Gonne lo ganne go dumela Moshe. O kwadile ka ga me, mme lo gana go mo dumela, jalo he, le nna lo gana go ntumela. 47Mme ka lo sa dumele se a se kwadileng, ga go hakgamatse fa le nna lo sa ntumele.”
Copyright information for TsnLEF